18/06/2026
๐ ๐ข๐ง๐๐๐๐๐ ๐ช๐ ๐ ๐ข๐๐๐ข ๐ช๐ ๐ก๐๐ช๐๐๐ ๐ง๐ฆ๐ ๐ง๐๐๐๐ก๐ข ๐ช๐ ๐ ๐ข๐๐จ๐๐๐ฆ๐๐ง๐๐๐ข ๐ข ๐ฆ๐๐ ๐ข๐๐ข๐ง๐ฆ๐ ๐๐ข ๐๐ข๐ก๐๐๐
Modulasetilo wa Khansele ya Kweneng Motlotlegi Ontefetse Rankhibidu a re moalo wa gagwe wa ngwaga tse tlhano oa o ipeileng pele o setse o simolotse go ntsha maduo, o kaile gore moalo o, ka go tshwaraganelwa ke banaleseabe ba ba maleba, o ka tsisa ditharabololo tsa dikgwetlho dingwe tse ba iphitlhelang mo go tsone ele Bakwena ditshwana le tlhaelo ya metsi le tse dingwe fela jalo. Motlotlegi Rankhibidu o kaile tswelelopele ka moalo oo jaaka go ne ga bulwa maemelo a dipalamo tsa Sechaba, a supa fa se se ka tlhama ditiro le go godisa itsholelo mo Kweneng.Modulasetilo are o eletsa gore Monongwaga lebala la ditshupo le tsene mo tirisong gore batho batle ba kgone go bapatsa dikgwebo tsa bone.
Motlotlegi Rankhibidu o rotloeditse banni ba Ralesuma go dirisa ditsatlholego tse di mo kgaolong Ya bone go itshetsa le go tlhabolla Dikgaolo tsa bone.A re ba dirise talente tsa bone tsa metshameko go kaya ngwao ya bone gammogo le go itshetsa.O supile fa mananeo a a ka thusa go fitlhelela ponelopele ya Khansele ya Kweneng ebong โGo aga Kweneng wa Isago Gompienoโ.Motlotlegi Rankhibidu are le fa ntswa go nale dikgwetlho di tshwana tlhaelo ya Metsi gammogo le tiego ya peo ya ditsha motlhala o teng o a bonala batho ba bewa le seemo sa metsi se tokafetse, Pharologanyo e e tshwanetse e lemogiwe.
Banni ba Ralesuma ba ne ba supa fa ba tshwenngwa ke seemo se se tlhobaetsang sa borukutlhi se se bakiwa ke gore motse o lefifi, ditsela tse di seng mo seemong se se siameng gammogo le medutlo ya metsi.Ba kaile fa go kgaogangwa ga melelwane ya komiti ya Ditlhabololo tsa Motse e ba beile ka fa mosing ka jaana ba sena komiti e lebaganeng le Ralesuma, ba kopile Modulasetilo go sekaseka kgang ee le ba ba maleba.Ba lebogetse Modulasetilo go bo a ne a tsile go ba lekola mo Kgaolong ya bone.